Back to stories list

Moipone le Sego sa gagwe Khayanga and her Gourd

Written by Ursula Nafula

Illustrated by Catherine Groenewald

Translated by Lorato Trok

Language Tswana

Level Level 4

Narrate full story The audio for this story is currently not available.


Lelapa la gaabo Moipone le ne le tletse boitumelo. Moipone o ne a nna le batsadi ba gagwe. Ba ne ba tlhokafala fa Moipone a le dingwaga di le lesome.

Khayanga lived with her parents happily until they died when she was ten years old.


Mosadimogolo Rosa o ne a tsaya Moipone go nna le ene. O ne a siametse Moipone, fela o ne a tsofetse thata ebile e le modidi.

Khayanga was taken in by Rosa, a distant relative. Rosa was kind to Khayanga, but she was old, frail and poor.


Moipone o ne rata go etela mabitla a batsadi ba gagwe. O ne a lela mme a ba bolelela tshotlego ya gagwe.

Khayanga often visited her parents’ graves to tell them of her misery.


Ka letsatsi lengwe fa a ba etetse, o ne a amogela mpho. Sego se se ntle se ne sa tlhagelela go tswa mo mabitleng a batsadi ba gagwe.

One day when she visited, she received a gift. It was a very special Gourd which appeared from her parents’ graves.


Sego se ne sa opela pina e e monate e e namatsang e re… Moipone we, Moipone! Ngwana wa rona o o rategang! Ga o khutsana, moratiwa! Tsaya sego se, moratiwa! Se rwale gongwe le gongwe ko o yang, moratiwa! A se go babatse, moratiwa! Moipone o ile a lemoga lentswe la ga moswi mmagwe.

The Gourd sang a beautiful and soothing song. Khayanga recognised the voice as that of her late mother. It went like this… Khayanga, ee, Khayanga! Our child the loved one! You’re not alone, loved one! Have this gourd, loved one! Carry it everywhere you go, loved one! Let it console you loved one!


Moipone o ne a tsamaya kasego sa gangwe gongwe le gongwe. Se ne se mo sireletsa fa a ya nokeng go ya go ga metsi. Ka sego se, Moipone o ne a utlwa e kete batsadi ba gagwe ba sa tshela.

Khayanga carried her special Gourd everywhere. With her Gourd, Khayanga felt her parents’ presence and protection.


Ka letsatsi lengwe ga diragala matlhotlhapelo ka sego sa ga Moipone Se ile sa thubega fa Moipone a ga metsi kwa nokeng. Pelo ya ga Moipone le yone e ne ya thubega ka kutlobotlhoko.

One day, something bad happened to her special Gourd. It broke when she was fetching water in the river. Khayanga’s heart broke as well.


Moipone o ile a tshwara manathwana a sego sa gagwe mme a opela: Mme le rre, Bonang sego se thubegile. Sego se lo mphileng sone. Ke dire eng batsadi ba me? A molemo wa lona o mpontsheng sengwe… Gore lo santse lo na le nna.

Khayanga held the pieces of the broken Gourd in her small hands and sang: Father and Mother, See the gourd is broken. The gourd you gave me. What do I do, Mother and Father? Be kind and show me a sign… That you are still with me.


Moipone o ile a utlwa lentswe la ga mmagwe le re: Ngwana wa rona, Sela manathwana a a setseng. Gelela metsi ka ona mme o tlhape maoto a gago. Fa o fetsa go tlhapa, o tswale matlho. Moipone o ile a dumela mme ka ponyo ya leitlho, sego se se thubegileng se ile sa siama gape.

Khayanga heard her mother’s voice saying to her: “Our child, pick up the pieces that are left. Fetch water with them and wash your feet. When you finish washing, close your eyes.” Khayanga obeyed and suddenly, the broken Gourd became whole once again.


Moipone o ile a tswelela go tsamaya gotlhe ka sego sa gagwe. Kwa a neng a feta teng, batho ba ne ba sebaseba ba re, “Ke sego sa mofuta ofe se?” Ka sego se sa gagwe, Moipone o ne a amogela tshotlhe tse a di tlhokang.

Khayanga continued to carry her Gourd everywhere she went. Wherever she passed, people whispered to each other, “What type of gourd is this?” With her special Gourd, Khayanga received everything she needed.


Ka sego se, Moipone o ne a itse gore batsadi ba gagwe ba mo sireleditse. Go ne go sena bosula bo bo neng bo ka mo diragalela.

With the special Gourd, Khayanga knew that her parents were watching over her. Nothing bad could happen to her.


Written by: Ursula Nafula
Illustrated by: Catherine Groenewald
Translated by: Lorato Trok
Language: Tswana
Level: Level 4
Source: Khayanga and her gourd from African Storybook
Creative Commons License
This work is licensed under a Creative Commons Attribution 3.0 International License.
Options
Back to stories list Download PDF