Bogologolo tala basetsana ba
bararo ba ne ba ya go rwalela
dikgong.
Hace mucho tiempo, tres chicas salieron a buscar leña.
Letsatsi le ne le fisa thata mme ba
ya nokeng go ya go thuma.
Ba ile ba tshameka monate, ba
gasana ka metsi ba itumetse.
Hacía mucho calor, así que fueron a nadar al río. Jugaron, chapotearon, y nadaron en el agua.
Fa ba tswa mo metsing, ba lemoga
gore letsatsi le setse le phirimile.
Ba itlhaganela go boela kwa
motseng.
De repente, se dieron cuenta que era tarde. Corrieron hacia la villa.
Fa ba le gaufi le gae Nozibele a
itshwara molala.
A lemoga gore o lebetse sebaga sa
gagwe kwa nokeng.
“A re boeleng morago ke a lo kopa”
Nozibele a kopa ditsala tsa gagwe.
Fela bona ba gana ba re ke bosigo.
Cuando estaban cerca de casa, Nozibele se tocó el cuello y se dio cuenta que había olvidado su collar. “¡Por favor, acompáñenme a buscarlo!” ella les rogó a sus amigas. Pero sus amigas le dijeron que ya era muy tarde.
Nozibele a boela morago a le esi.O
ne a fitlhela sebaga sa gagwe mme
a boela gae.
Ka go ne go setse go fifetse, o ne a
timelelwa ke tsela ya go ya gae.
Así que Nozibele regresó sola al río. Encontró su collar y se apresuró para regresar a casa. Pero se perdió en la oscuridad.
Erile a sa le kgakajana, o ne a bona
go tuka lebone mo ntlong nngwe.
O ne a itlhaganelela kwa teng,mme
a feta a kokota.
A la distancia veía una luz que venía de una choza. Corrió hacia ella y tocó a la puerta.
O ile a makala fa mojako wa ntlo o
bulwa ke ntšwa.
“O batla eng fa?” Ga botsa ntšwa.
“Ke timetse, mme ke batla lefelo la
go robala”
“Tsena, eseng jalo ke tla go loma!”,
ga rialo ntšwa.
Para su sorpresa, un perro abrió la puerta y le preguntó, “¿Qué quieres?” “Estoy perdida y necesito un lugar para dormir,” respondió Nozibele. “¡Pasa si no te morderé!” dijo el perro. Así que Nozibele pasó.
“Nkapeele dijo!” ga rialo ntšwa.
“Fela ga ke isi ke apeele ntšwa
dijo,” ga araba Nozibele.
“Apaya, eseng jalo ke tla go loma!”,
ga rialo ntšwa.
Nozibele a apeela ntšwa dijo.
Luego el perro dijo, “¡Cocina para mí!” “Pero nunca he cocinado para un perro antes,” ella le contestó. “¡Cocina, o te muerdo!” dijo el perro. Así que Nozibele cocinó un poco de comida para el perro.
Mme ntšwa ya re, “mpaakanyetse
bolao!”
“Ga ke isi ke baakanyetse ntšwa
bolao!”, ga araba Nozibele.
“Mpaakanyetse bolao eseng jalo ke
tla go loma!” ga rialo ntšwa.
Nozibele a baakanyetsa ntšwa
bolao.
Luego el perro dijo, “¡Haz la cama para mí!” Nozibele respondió, “Nunca he hecho la cama de un perro.” “¡Hazla, o te muerdo!” dijo el perro. Así que Nozibele hizo la cama.
Nozibele o ne a tshwanetswe ke go
apaya ,go feela le go tlhatswetsa
ntšwa ka gale.
Ka letsatsi lengwe ntšwa ya re
“Nozibele gompieno ke tshwanetse
go etela ditsala tsa me. Pele ga ke
boa o be o feetse ntlo, o apeile dijo
ebile o tlhatswitse dilo tsa me.”
Ella tenía que cocinar, barrer y lavar todos los días para el perro. Hasta que un día el perro le dijo, “Nozibele, hoy tengo que ir a ver a unos amigos. Barre la casa, prepara comida y lava mis cosas antes de que regrese.”
Erile fa ntšwa e fetsa go tsamaya,
Nozibele a ntsha meriri e meraro
mo tlhogong ya gagwe.
O ile a baya moriri wa ntlha ka fa
tlase ga bolao.
Wa bobedi ka mo morago ga
setswalo.
Mme wa boraro a o baya kwa
lesakeng.
Morago ga foo a sia ka lebelo le
legolo a boela kwa gaabo.
Tan pronto como el perro se fue, Nozibele se sacó tres cabellos de su cabeza y puso un cabello debajo de la cama, otro detrás de la puerta y uno en el corral. Después corrió a casa tan rápido como pudo.
Erile fa ntšwa e fitlha ya batlana le
Nozibele.
“Nozibele o ko kae?” ga goa ntšwa
“Ke ka fa tlase ga bolao” ga araba
moriri wa ntlha
“Nozibele o fa kae?” ga goa ntšwa
“Ke fano mo morago ga mojako” ga
araba moriri wa bobedi
“Nozibele o ko kae?” ntšwa ya goa
gape
“Ke ka fa lesakeng”, ga araba moriri
wa boraro
Cuando el perro regresó a casa, comenzó a buscar a Nozibele. “¡Nozibele, ¿dónde estás?!” el gritaba. “Aquí estoy, debajo de la cama,” dijo el primer cabello. “Estoy aquí, detrás de la puerta,” dijo el segundo cabello. “Estoy aquí, en el corral,” dijo el tercero.
Ntšwa ya lemoga gore Nozibele o e
tsieditse.
Ya tloga, ya tabogela kwa
motsaneng go ya go batla Nozibele.
Erile fa e fitlha kwa motseng ya
fitlhela bomorwarraagwe Nozibele
ba e letile ka dithupa tse dikgolo.
E ne ya tshaba mme ya se ka ya
tlhola e bonwa gape
Entonces el perro se dio cuenta que Nozibele lo había engañado. El perro corrió, corrió y corrió hacia la villa. Pero los hermanos de Nozibele estaban esperándolo con palos grandes. El perro se fue corriendo y nunca nadie lo ha visto aparecerse de nuevo.