Ka letsatsi lengwe Mmutla o ne
a tsamaya fa thoko ga noka.
Un jour, Lapin marchait le long de la rivière.
Kubu le ena o ne a le koo, a
itsamaela fela ebile a ijela
bojang jo botala bo bo monate.
Hippo était là aussi pour se promener et manger de la bonne herbe verte.
Kubu o ne a sa lemoge gore
Mmutla o teng fao mme a gata
leoto la gagwe ka phoso.
Mmutla o ne a goa mme a
simoloa go omanya Kubu,
“Wena Kubu! Ga o bone gore o
gata leoto la me?”
Hippo ne voyait pas que Lapin se trouvait là et elle piétina le pied de Lapin. Lapin cria et hurla « Hippo ! Tu vois pas que tu me piétines le pied ? »
Kubu o ne a kopa maitshwarelo
mo go Mmutla, “Intshwarele
tsala ya me. Ke ne ke sa go
bone. Ka kopo tlhe
intshwarele!”
Mmutla o ne a sa batle go
reetsa mme a tswelela ka go
omanya Kubu, O dirile se ka
bomo! Ka letsatsi lengwe, o tlile
go bona! O tlile go duela!”
Hippo s’excusa à Lapin : « Je suis si désolé, mon ami. Je ne te voyais pas. Pardonne-moi, s’il-te-plaît ! » Mais Lapin n’écoutait pas et cria à Hippo : « Tu l’as fait exprès ! Un jour, tu verras ! Tu paieras pour ça ! »
Jaanong mmutla a ya go batla Molelo mme a re, “Tsamaya o ye go fisa Kubu fa a
tswa mo metsing a ya go fula bojang. O nkgatile leoto!”
“Ga gona bothata, Mmutla tsala ya me. Ke tla dira se o se kopang,” ga araba
Molelo.
Puis Lapin partit chercher Feu et lui dit : « Va brûler Hippo quand elle sort de l’eau pour manger l’herbe. Elle m’a piétiné le pied ! » Feu répondit : « Pas de souci, Lapin, mon ami. Je ferai ce que tu as demandé. »
Fa Kubu a ntse a fula bojang
kgakajana le metsi, o ne a utlwa
“shuuuu!” Molelo o ne a ntsha
malakabe a gagwe mme a
simolola go fisa moriri wa ga
Kubu otlhe.
Plus tard, Hippo mangeait l’herbe loin de la rivière lorsque soudain « ZOUM ! » Feu s’enflamma. Les flammes commencèrent à brûler les poils de Hippo.
Kubu o ne a tshimolola go lela
mme a tabogela kwa metsing.
Moriri wa gagwe otlhe o ne o
fisitswe ke molelo.
Kubu o ne a tswelela go lela,
“Moriri wa ka o fisitswe ke
molelo! O fisitse moriri wa ka
otlhe! Moriri wa ka otlhe o ile!
Moriri wa ka o montle! Moriri wa
ka o montle!”
Hippo se mit à pleurer et se réfugia dans l’eau. Le feu avait brûlé tous ses cheveux. Hippo continua à pleurer : « Mes poils ont brûlé. Tu as brûlé tous mes poils ! Mes poils ont disparu ! Mes si beaux poils ! »
Ke ka moo Kubu a sa tsamaeleng kgakala le metsi ka ntlha ya fa a tshaba gore o
tla fisiwa ke molelo.
Mmutla o ne a itumetse thata fa Kubu a fisitwe ke molelo, a goa a re, “Ke mo
tshwere!”
Lapin était content que les poils de Hippo soient brulés. Et jusqu’à ce jour, de crainte du feu, les hippopotames ne s’éloignent jamais de l’eau.