下载 PDF
返回故事列表

Pina ya ga Sakima 萨可满的歌声

作者 Ursula Nafula

插图 Peris Wachuka

译文 Domitilla Naledi Madi

语言 茨瓦纳语

级别 3级

将整故事念出来 本故事尚未有语音版。


Sakima o ne a nna le batsadi ba gagwe le kgaitsadie yo o dingwaga tse nne. Ba ne ba nna mo mmung wa monna wa mohumi. Ntlo ya bone ya borulelo jwa bojang e ne e le kwa bofelong jwa mola wa ditlhare.

萨可满和他的父母,还有四岁的妹妹住在一起,他们住在一个富人的土地上,他们的茅草屋在一排大树的后面。


Erile fa Sakima a le dingwaga tse tharo, o ne a bobola mme a foufala. Sakima o ne a na le bokgoni.

萨可满三岁的时候,生了一场大病,从此,萨可满就看不见了,其实萨可满是一个非常有天赋的孩子。


Sakima o dirile dilo tse dintsi tse bana ba bangwe ba dingwaga tse thataro ba sa di dirang. Sekai, o ne a kgona go nna le bagolo ba motse mme ba rerisana ka ga dintlha kgolo.

萨可满今年六岁,他会做很多同龄的男孩不会做的事情,比如,萨可满能和村里的老人坐在一起讨论重要的事情。


Batsadi ba ga Sakima ba ne ba dira kwa ntlong ya monna wa mohumi.Ba tswa fa gae maphakela thata mo mosong mme ba boela gae go le thari maitsiboa. Sakima o ne a tlogetswe le kgaitsadie yo monnye.

萨可满的父母在富人的家里工作。他们每天早出晚归,萨可满就和妹妹呆在家里。


Sakima o ne a rata go opela dipina. Letsatsi lengwe mmagwe a mmotsa potso, “O ithutile kae dipina tse, Sakima?”

萨可满很喜欢唱歌。有一天,他的妈妈问他:“萨可满,你从哪儿学了这些歌?”


Sakima a araba, “Ditla fela, mme. Ke diutlwa mo tlhogong ya me mme morago ke opele.”

萨可满回答说:“它们就这样出现在我的脑海里,我想到了这些歌,就把它们唱了出来。”


Sakima o rata go opelela kgaitsadie, bogolo fa a tshwarwa ke tlala. Kgaitsadie o tla be a mo reetsa fa a opela pina e o e ratang thata. O ne a tle a tsikinyege go ya ka moribo o o ritibatsang.

萨可满很喜欢给他的妹妹唱歌,特别是她肚子饿的时候。妹妹听着萨可满唱他最喜欢的歌,跟着甜美的歌声摆动起来。


“A o kgona go opela ka go boeletsa le go boeletsa gape, Sakima,” kgaitsadie o ne a mo rapela. Sakima o ne a amogela mme a opela ka go boeletsa le go boeletsa gape.

萨可满的妹妹经常求他:“再唱一次吧!”萨可满唱了一遍又一遍。


Maitsiboa mangwe fa batsadi ba boela lwapeng, ba ne ba didimetse tota. Sakima o ne a itse gore go na le sengwe se se sa siamang.

有一天晚上,萨可满的父母回到家以后一句话也不说。萨可满知道一定发生了什么不好的事情。


“Molato ke eng, mme, rre?” Sakima a botsa. Sakima a utlwa gore ngwana wa mosimane wa monna wa mohumi o nyeletse. Monna o ne a hutsafetse a jewa ke bodutu.

萨可满问爸爸妈妈发生了什么事,他这才知道,原来富人的儿子失踪了,富人孤单一人,很伤心。


“Ke kgona go mo opelela. O kgona go itumela gape,” Sakima o ne a bolelela batsadi ba gagwe. Mme batsadi ba gagwe ba mo itlhokomologa. “Ke mohumi tota. Wena o mosimane wa sefofu fela. A o ithaya gore pina ya gago e tla mo thusa?”

萨可满对父母说:“我可以给他唱歌,这样他就会高兴起来了。”但是萨可满的父母不喜欢这个主意:“他很有钱,而你只是一个看不见的小男孩。你以为你的歌声会帮到他吗?”


Lefa go ntse jalo, Sakima ga se a ke a fele pelo. Kgaitsadie yo monnye o ne a mo ema nokeng. O ne a re, “Dipina tsa ga Sakima di a nkgomotsa fa ke tshwerwe ke tlala. Di tla gomotsa monna wa mohumi le ene.”

但是萨可满没有放弃,他的妹妹也鼓励他。她说:“萨可满的歌声能赶走饥饿,他肯定也能安慰富人。”


Ka letsatsi le le latelang, Sakima a kopa kgaitsadie yo monnye gore a mo tsamaise kwa ntlong ya monna wa mohumi.

第二天,萨可满让他的妹妹带他去富人的房子。


O ne a ema fa tlase ga letlhabaphefo lengwe le le golo mme a simolola go opela pina ya gagwe e o e ratang. Ka bonya, tlhogo ya monna wa mohumi ya bonala fa letlhabaphefong le le tonna.

他站在一扇大窗户的下面,开始唱他最喜欢的歌。慢慢的,富人的脑袋从窗户里伸出来。


Badiri ba emisa se ba ne ba sedira. Ba reetsa dipina tse dimonate tsa ga Sakima. Mme monna mongwe a re, “Ga go ope yo o kgonneng go gomotsa kgosi. A mosimane yo wa sefofu o ithaya a re o tla mo gomotsa?”

工人们停下了工作。他们仔细地听着萨可满唱歌。有一个人说:“从来没有人能安慰老板,这个看不见的男孩觉得他可以做到吗?”


Sakima one a fetsa go opela pina ya gagwe mme a retologa gore a tsamaye. Mme mmona wa mohumi a tabogela kwa ntle ka bonako mme a re, “Tsweetswee opela gape.”

萨可满唱完了,准备离开。富人跑出来,说:“请再唱一遍吧!”


Ka nako eo, banna ba le babedi batla ba tsholeditse mongwe ka bolao. Ba bonye mosimane wa monna wa mohumi a nteilwe a tlogetswe fa thoko ga tsela.

就在那时,两个人抬着担架走来了,担架上是富人的儿子!他们发现这个人被打得面目全非,躺在路边。


Monna wa mohumi o ne a itumetse thata go bona morwawe gape. O ne a duela Sakima jaaka a mo gomoditse. O ne a isa morwawe le Sakima kwa bookelong jaanong Sakima a foufologa.

富人很高兴儿子找回来了。为了感谢萨可满安慰他,他把萨可满和他的儿子一起送到了医院,萨可满很快就会恢复视力了。


作者: Ursula Nafula
插图: Peris Wachuka
译文: Domitilla Naledi Madi
语言: 茨瓦纳语
级别: 3级
出处: 原文来自非洲故事书Sakima's song
共享创意授权条款
本着作系采用共享创意 署名 4.0 未本地化版本授权条款授权。
选项
返回故事列表 下载 PDF