Tshimo ya ga mmemogolo e ne e le ntle tota, e tletse mabele,photso ya mabele, le makwele. Mme mo go tse tsotlhe tse di botlhokwa thata e ne e le dipanana. Le fa Mmemogolo a na le ditlogolo tse dintsi, mo sephiring ke ne ke itse gore o nthata go feta ba bangwe. O ne a tle a ntaletse nako ngwe kwa ntlong ya gagwe. Le gona o ne a mpolelela diphiri tse dinnye. Mme go ne gona le sephiri se le sengwe se o sa se abelanang le nna: kwa o budusang dipanana gona.
Ka letsatsi lengwe ke ne ka bona seroto se se tonna se beilwe mo letsatsing kwa ntle ga ntlo ya ga mmemogolo. E rile ke botsa gore se dira eng, karabo e le ngwe e ke e neilweng, “Ke seroto same sa metlholo.” Fa thoko ga seroto, gone gona le makakaba a dipanana a a mmalwa a Mmemogolo o a pitikololang nako le nako. Ke ne ke batla go itse. “Makakaba a dira eng, Mmemogolo?” go botsa nna. Karabo e le nngwe e ke e bonyeng ke, “Ke makakaba a me a metlholo.”
Go ne go makatsa go leba Mmemogolo, dipanana, makakaba a dipanana le seroto se se tonna. Mme Mmemogolo a nthoma kwa go mme ka ntlha ya tiro. “Mmemogolo, tsweetswee, ntetlelele go leba jaaka o dira…” “O seka wa nna bodipa, ngwanyana, dira jaaka o kopiwa,” o ne a gatelela. Ke ile ka taboga.
E rile fa ke boa, Mmemogolo o ne a dutse kwa ntle mme a sena seroto kgotsa dipanana. “Mmemogolo, seroto se kae, dipanana tsotlhe di kae, gape le…” Mme karabo e ke ileng ka e bona e ne e le, “Di mo lefelong la me la metlholo.” Go ne ga swabisa tota!
Morago ga malatsi a le mabedi, Mmemogolo a nthoma gore ke ye go tsaya thobane ya gagwe mo phaposing ya borobalo ya gagwe. E rile ke bula kgoro, ka kgatlhantshiwa ke monkgo wa dipanana tse di buduleng. Moteng ga phaposi e ngwe gone go na le seroto se se tonna sa metlholo. Se ne se subilwe sentle ka lepai le legologolo. Ke ile ka le tsholetsa mme ka dupelela monkgo o o monate.
Lentswe la ga Mmemogolo le ile la ntshosa fa a bitsa, “O dira eng? Itlhaganele o tlise thobane.” Ke ile ka itlhaganela ka thobane ya gagwe. “O nyenyela eng?” Ga botsa Mmemogolo. Potso ya gagwe e ne ya ntlhagisa gore ke ne ke ntse ke nyenyela lefelo le ke le bonyeng la metlholo.
Letsatsi le le latelang fa mmemogolo a tla go jela mme nala, ke ile ka taboga thata kwa ntlong ya gagwe go ya go tlhola dipanana gape. Go ne go na le segopa sa tse di buduleng. Ke ile ka tsaya e le nngwe mme ka e fitlha mo moseseng wa me. Morago ga ke sena go khurumetsa seroto gape, Ke ile ka ya kwa morago ga ntlo mme ka bonako ka e e ja. E ne e le panana e e botshe thata e ke sa tsamaya ka e leka.
Letsatsi le le latelang, e rile fa mmemogolo a le mo tshimong a kgetla merogo, Ke ile ka nanabela mo teng mme ka okomela dipanana. Di le dintsi di ne di bodule. Ga ke a kgona go itshwara mme ka tsaya segopa sa tse nne. E rile fa ke ntse ke nanabela kwa kgorong, ka utlwa mmemogolo a gotlhola kwa ntle. Ke ile ka kgona go fitlha dipanana ka fa tlase ga mosese wa me mme ka feta fa go ene.
Letsatsi le le latelang e ne e le letsatsi la mmaraka. Mmemogolo o ile a tsoga phakela thata. Gale gale o ne a tsaya dipanana tse di boduleng le makwele go ya go rekisa kwa mmarakeng. Ga ke a itlhaganela go ya go mo etela ka letsatsi leo. Mme ke ne ke sa kgone go mo itlhokomologa nako e leele.
Morago nyana maitsiboa a o ke ile ka bidiwa ke mme le rre, le Mmemogolo. Ke ne ke itse gore ke ka ntlha ya eng. Bosigo joo fa ke ya go robala, ke ne ke itse gore ga nkitla ke tlhola ke utswa gape, e seng gotswa mo go mmemogolo, e seng gotswa go batsading ba me, le e seng gotswa go mongwe le mongwe.