Mo toropokgolo e e tlhakatlhakanyeng ya Nairobi, kgakala le botshelo jwa tlhokomelo ya balelwapa, go agile basimane ba ba senang malwapa. Ba ne ba amogela letsatsi lengwe le lengwe jaaka le tla. Mo mosong mongwe basimane ba phutha diphate tsa bone morago ga go robala go bapa le peifemente e e serame. Go ka ithutafatsa, ba ne ba gotsa molelo ka matlakala. Mo setlhopheng se sa basimane go ne go na le yo o bidiwang Magozwe. E ne e le yo o mmotlana mo go botlhe.
O ne a le dingwaga tse tlhano fa batsadi ba gagwe ba tlhokafala. O ile a ya go nna le malomaagwe. Monna yo o ne a sa rekegele ka ene. O ne a sa mo neye dijo tse di lekaneng. O ne a mo dirisa ditiro tse di bokete.
Fa Magozwe a ngongoregela mo go ene kgotsa a mmotsa dipotso, malomaagwe o ne a mo betsa. E rile Magozwe a mmotsa gore a o kgona go ya sekolong malomaagwe a mo betsa mme a re “O seeleele go ka ithuta sengwe.” Morago ga dingwaga tse tharo tsa tshotlego, Magozwe a sia go tswa mo lelwapeng la ga malomaagwe. A simolola go nna mo mebileng.
Botshelo jwa mebila bo ne bo le boima e bile bontsi jwa basimane ba ne ba palelwa le ke go ka bona dijo tsa tsatsi le letsatsi. Ka dinako dingwe ba ne ba tshwarwa ke mapodisi fa ka mme tse dingwe ba betswe. Fa ba lwala go ne go sena kwa ba tla bonang thuso teng. Setlhopha sa basimane se ne se ikaegile thata mo madinyaneng a se neng se a kopa mo bathong, mo go rekiseng dipolasitiki le dilo dingwe tse di buseditsweng mo tirisong. Botshelo bo ne bo le boima go feta ka ntlha ya dintwa tsa ditlhophana tse dingwe tse di neng di batla go laola dikarolo dingwe tsa toropokgolo.
Ka letsatsi lengwe fa Magozwe a ntse a batla dilo mo thotobolong ya matlakala a bona buka e e makgasa ya mainane. O ne a phepafatsa leswe go tswa mo go yone morago a e tsenya mo kgetseng ya gagwe. Tsatsi le letsatsi fa a bona nako, o ne a e ntsha mme a lebelele ditshwantsho. O ne a sa itse go buisa mafoko.
Ditshwantso tse di mo bukeng di ne di supa kgang ya mosimane yo o neng a gola go ka nna mokgweetsi wa sefofane. Ka dinako dingwe o ne a ikanya go nna mosimane yo o mo kgannyeng eo.
Go ne go le serame fa Magozwe a eme go bapa le tsela a kopa batho fa monna mongwe a tsamaela kwa go ene. “Dumela, Ke nna Thomas. Ke dira go bapa le lefelo le, koo o tla kgona go bona sengwe sa go ja.” ga bua monna. O ne a supa ntlo e e serolwane ka borulelo jwa mmala wa loapi. “Ke solofela gore o tla ya teng go bona dijonyana.” ga bua monna. Magozwe o ne a leba monna a bo a leba le ntlo. “Gongwe” a bua a ntse a itsamaela.
Mo dikgweding tse di latelang, basimane ba ba senang malwapa ba ne ba tlwaetse go bona Thomasa le mo gare ga bone. O ne a rata go bua le batho segolobogolo ba ba neng ba tshelela mo mebileng. Thomas o ne a reetsa dikgang tsa matshelo a batho. O ne a tlhoafetse le gone a le pelotelele, a sa tlhokele ope maitseo. Bangwe ba basimane ba simolola go ya kwa ntlung e e serolwane le mmala wa loapi go ya go ja dijo tsa motshegare.
Magozwe o ne a dutse mo peifementeng a lebeletse buka ya gagwe ya mainane fa Thomas a tla go dula go bapa le ene. “kgang e e bua ka ga eng? ga botsa Thomas. “E bua ka ga mosimane yo o golang go nna mokgweetsi wa sefofane,” ga araba Magozwe. “Leina la mosimane ke mang?” ga botsa Thomas. “Ga ke itse leina la gagwe ka gore ga ke itse go buisa,” ga araba Magozwe kwa tlase.
E rile ba kopana, Magozwe o ne a simolola pele ka go bolelela Thomas ka botshelo jwa gagwe. O ne a mmolelela kgang ya ga malomaagwe le lebaka goreng a siile go tswa kwa gae. Thomas o ne a sa bue thata e bile ga a a ka a mo bolelela se a tshwanetseng go se dira mme gone o ne a tlhola a reeditse ka kelotlhoko. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bue fa ba ntse ba ja kwa ntlong ya borulelo jwa mmala wa loapi.
E rile Magozwe a dira dingwaga tse lesome, Thomas o ile a mo naya buka ya mainane e ntsha. E ne e le ka ga mosimane wa motse yo o golang go nna motshameki wa kgwele ya dinao wa maemo a a kwa godimo. Thomas o ne a buisetsa Magozwe kgang eo ga ntsi go fitlhela letsatsi lengwe a re, “Ke akanya gore ke nako jaanong o ya sekolong o ye go ithuta go buisa. O akanya jang?” Thomas a mo tlhalosetsa gore o itse le lefelo le bana ba kgonang go nna teng ba tsena sekolo.
Magozwe o ne a akanya ka lefelo le lentsha leo le ka ga go ya sekolong. A ga se gore malomaagwe o ne a bua nnete le gore ke seeleele sa go ithuta sengwe? Jaanong fa ba tla mo itaya kwa lefelong le lesa? O ne a boifa. “Gongwe go botoka go nna fela mo mebileng,” a akanya.
O ne a abelana poifo ya gagwe le Thomas. Fa nako e ntse e tsamaya, monna a tswelela ka go mo tshepisa gore botshelo bo kgona go nna botoka kwa lefelong le lesa.
他把自己的想法告诉了托马斯。托马斯对他循循善诱,终于说服了玛格威,他在新地方一定会过上更好的生活。
Magozwe a fudugela mo phaposing nngwe mo ntlung ya borulelo jwa mmala o motala. O ne a nna le basimane bangwe ba le babedi mo phaposing eo. Go ne go nna bana ba le lesome mo ntlung eo ka palo. Ba ne ba nna mmogo le Mmangwane Cissy le monna wa gagwe, dintswa tse tharo, katse le podi e e tsofetseng.
Magozwe o ne a simolola sekolo mme go ne go le thata. O ne a tshwanela go ithuta le tse di mo fetileng. Ka dinako tse dingwe o ne a batla go ineela mme a akanya ka mokgweetsi wa sefofane le motshameki wa kgwele ya dinao mo bukeng ya mainane. Fela jaaka bone, a seka a ineela.
Magozwe o ne a dutse mo jarateng mo lelwapeng la borulelo jwa mmala o motala a buisa buka ya mainane e e tswang kwa sekolong. Thomas a tla mme a dula go bapa le ene. “Kgang e bua ka ga eng? ga botsa Thomas. “E bua ka ga mosimane yo o golang go nna morutabana,” ga araba Magozwe. “Leina la mosimane ke mang?” ga botsa Thomas. “Leina la gagwe ke Magozwe,” ga araba Magozwe ka monyenyo.