Odongo le Apiyo ba ne ba nna mo toropong le rra bona. Ba ne ba bonela pele malatsi a boikhutso. E seng fela ka ntlha ya gore dikolo di tswadilwe, mme ka ntlha ya gonne ba ya go etela mmemogolo wa bona. O ne a nna gaufi le motsana wa batshwari ba ditlhapi gaufi le noka e kgolo.
Odongo le Apiyo ba ne ba itumetse ka ntlha ya gonne e ne e le nako ya go etela mmemogolo wa bone gape. Bosigo jo o pele, ba baakanya dikgetse tsa bone mme ba ipaakanyetsa loeto lo lo leele kwa motseng wa gagwe. Ga ba kgona go robala mme ba bua bosigo jotlhe ka ga boikhutso.
Phakela mo mosong o o latelang, ba tsamaya go ya kwa motseng ka koloi ya rrabone. Ba kgweeditse ba feta dithaba, diphologolo tsa naga le tshimo ya tee. Ba badile dikoloi mme ba opela dipina.
Rre o ne a tsosa Odongo le Apiyo nako ya fa ba goroga mo motseng. Ba fitlhetse Nyar- Kanyanda, mmemogolo wa bone, a ikhutsitse mo phateng ka fa tlase ga setlhare. Nyar- Kanyada ka se Luo, ‘go reela mosetsana wa batho ba Kanyada’. E ne e le mme yo montle yo o kwenneng.
Nyar- Kanyada o ne a ba amogela moteng ga ntlo mme a bina a dikologa phaposi ya borobalo a opela ka boitumelo. Ditlogolo tsa gagwe di ne di itumetse go mo naya dimpho tse ba di rekileng gotswa mo toropong, “Bula mpho ya me pele,” go bua Odongo. “Nnya, mpho ya me pele!” go bua Apiyo.
Morago ga a sena go bula dimpho, Nyar-Kanyada o ile a segofatsa ditlogolo tsa gagwe ka mokgwa wa setso.
尼亚·坎亚达打开了礼物后,用传统的习俗祝福了她的孙儿们。
Morago Odongo le Apiyo ba tswela kwa ntle. Ba leleka dirurubele le dinonyane.
欧东格和阿皮尤跑出去玩儿了,他们追着蝴蝶和鸟儿,在它们后面跑。
Ba palama ditlhare ba tlolela mo metsing a noka.
他们还爬树,跳进湖里,溅起了很多水花。
E rile gonna lefifi ba boela lwapeng go ya go ja dijo tsa maitsiboa. Pele ga ba fetsa go ja, ba simolola go otsela!
天黑了,他们回到奶奶的家里吃晚饭,但他们太累了,还没吃完,就睡着了。
Letsatsi le le latelang, rrabana a boela morago kwa toropong a ba tlogela le Nyar- Kanyada.
第二天,爸爸开车回城了,把孩子们留给奶奶。
Odongo le Apiyo ba ne ba thusa mmemogolo wa bone ka ditiro tsa mo gae. Ba ne ba ya go tsaya metsi le dikgong tse di gotsang. Ba ne ba phutha mae gotswa mo dikokong mme ba ya go sela merogo mo tshimong.
欧东格和阿皮尤帮助奶奶做家务。他们帮奶奶拎水,运柴。他们还帮奶奶从鸡窝里拿鸡蛋,在花园里摘蔬菜。
Nyar- Kanyada o ne a ruta ditlogolo tsa gagwe go dira ugali e e borethe go jela ka merogo e e apeilweng ka nama. O ne a ba ruta gore reise ya khokhonate e dirwa jang go jela ka tlhapi e e besitsweng.
尼亚·坎亚达教他们煮乌咖喱,还教他们怎么做和烤鱼一起吃的椰子饭。
Moso mongwe, Odongo a tsaya dikgomo tsa ga mmemogolo wa gagwe go ya go hula. Di ne tsa tabogela mo polasing ya baagisanyi. Molemirui o ne a galefela Odongo. O ne a mo tshosetsa gore o tla tshegetsa dikgomo jaaka di jele merogo ya gagwe. Morago ga letsatsi le o, mosimane o ne a netefatsa gore dikgomo ga di tsene mo mathateng gape.
Ka letsatsi le lengwe bana ba ne ba ya kwa marekisetsong le Nyar-Nnyada. O na le lefelo le o rekisang merogo, sokore le molora teng. Apiyo o rata go bolelela bareki tlhwotlhwa ya dilwana. Odongo o ne a phuthela dilwana tse bareki ba di rekileng.
Kwa bofelong jwa letsatsi bane ba nwa tee ya chai mmogo. Ba thusa mmemogolo go bala madi a o a amogetseng.
这天的工作结束后,他们坐在一起喝茶,帮奶奶数了数这天赚到的钱。
Mme mo nakong e khutshwane nako ya boikhutso e ne e fedile mme bana ba ne ba tshwanetse go boela kwa toropong. Nyar-Kanyada o ne a naya Odongo hutshe le Apiyo jase. O ne a ba phuthela dijo tsa loeto.
E rile fa rrabone a tla go ba tsaya, ba ne ba sa batle go tsamaya. Bana ba ne ba rapela Nyar- Kanyada gore a tsamaye le bone kwa toropong. O ne a nyenya mme a re, “Ke tsofetse thata gore nka nna mo toropong. Ke tla lo leta gore lo tle kwa motseng wame gape.”
Odongo le Apiyo ka bobedi ba mo tlamparela thata mme ba re a sale sentle.
欧东格和阿皮尤紧紧地抱着她,跟她告别。
E rile fa Odongo le Apiyo ba boela kwa sekolong ba bolelela ditsala tsa bone ka ga botshelo mo motseng. Bangwe ba bana ba ne ba ikutlwa gore botshelo mo toropong bo siame. Ba bangwe ba ikutlwa gore motse o botoka. Mme se segolo thata mo go tsotlhe, mongwe le mongwe o ne a dumalana gore Odongo le Apiyo ba na le mmemogolo yo o siameng!