Bogologolo tala, Koko le Matsianye ba ne ba le ditsala.Ba agile ka kagiso mmogo le dinonyane tse dingwe.Go ne go se na epe e e ne e kgona go fofa.
很久很久以前,母鸡和老鹰是好朋友。他们和其他的鸟儿住在一起,相安无事,但是他们都不会飞。
Letsatsi lengwe, go ne go na le tlala mo lefatsheng.Matsianye o ne a ya kgakala go ya go batla dijo. A boe kong a lapile.”Go tshwanetse go bo go na le mokgwa mongwe o o bonolo go ka eta!” ga bua Matsianye.
Morago ga robala sentle bosigo, Koko ya nna le mogopolo o o botlhale.A simolola go kokoanya diphafa tse di wang go tswa mo ditsaleng tsotlhe tsa bone.”A re di rokelele mmogo mo godimo ga diphafa sa tsona,a bua.”Gongwe go ka dira go eta bonolo.”
Matsianye e ne e le fela ene yo o na le nnale mo motseng,o ile a simolola go roka lwa ntlha.O ne a itirela diphuka tse dintle le go fofela kwa godimo go le Koko. Koko ya adima nnale mme ka bonako ya lapa go roka.A tlogela nnale fa godimo ga lekase mme a ya kwa phaposing boapelo go baakanyetsa bana ba gagwe dijo.
Mme dinonyane tse dingwe tsa bona jaaka Matsianye a fofa. Ba kopa Koko go ba adima nnale go ka itirela diphuka le bone. Ka bonako ga nna le dinonyane tse di fofang mo loaping lotlhe.
E rile nonyane ya bofelo e busa nnale e e adimilweng,Koko o ne a sio fao. Bana ba gagwe ba tsaya nnale ba simolola go tshameka ka yone. Fa ba lapa go tshameka, ba tlogela nnale mo mmung.
Morago mo tshokologong, Matsianye boa.A kopa nnale go baakanya diphafa tse di neng di tantologile mo loetong lwa gagwe.Koko ya leba fa godimi ga lekase.A leba mo phaposing boapelo. A leba mo jarateng. Mme nnale e se ka ya bonala gope.
“Naya fela letsatsi,” Koko ya kopa Matsianye.”Go tswa foo o kgona go baakanya diphuka tsa gago o fofe go ya go tsaya dijo tsa gago gape.”Fa e kan moragi ga malatsi,” ga bua Matsianye. Fa o sa bone nnale, o ka tshwanelwa ke go naya lerama lengwe la gago.”
Fa Matsianye a tla letsatsi le le latelang, o fitlhela Koko e hatahata mo mmung mme go se nnale e e bonalang.Matsianye a fologela tlase ka bonako a mo phamola ka lengwe la lerama.A e tsholetsa a fofa. Go ya bofelong morago ga letsatsi leo, fa Matsianye e bonalang gone, e fitlhela Koko e fatafata mo mmung ka ntlha ya nnale.
Fa seriti sa diphuka tsa Mtsianye se fela fa fatshe, Koko e tlhagisa lerama la yone.”Tswa mo ....o omise lefatse.”Ba araba ba re:”Ga re ditlaela.Re tla sia