Koko le sebokolodi e ne e le ditsala. Mme ba ne ba rata go dira dikgaisano.Ka letsatsi lengwe ba tsaya tshwetso ya gore ba ya go tshameka kgwele ya dinao go bona gore ke mang e leng motshameki tota.
鸡和千足虫是好朋友,但是它们又互相竞争。有一天,它们决定进行一场足球比赛,看看谁是最棒的球员。
Ba ne ba ya kwa lebaleng la kgwele ya dinao mme ba simolola kgaisano ya bone. Koko o ne a le bonako thata, mme Sebokolodi o ne a le bonako thata thata. Koko a ragela kwa kgakala, mme Sebokolodi a ragela kgakala go feta. Koko a simolola go kgotswa.
Ba tsaya tshwetso ya go raga dipenalti. Lwantlha Sebokolodi ke ene o neng a le motshwara kgwele. Koko a ragela kgwele e le nngwe fela. Jaanong e ne e le sebaka sa koko go tshwara kgwele.
Sebokolodi a raga kgwele mme ya tsena. Sebokolodi o ne a kgokgoetsa kgwele mme a e ragela. Sebokolodi o ne a eteletse kgwele pele mme a e ragela. Sebokolodi o ragetse dikgwele tse tlhano.
Koko o ne a kgopilwe ka a latlhegetswe. E ne e le motho yo o latlhegetsweng yo o bosula thata. Sebokolodi a simolola go tshega ka tsala ya gagwe ka o ne a simolola go supa mokgwa o o sa siamang.
鸡输了,它很生气。千足虫哈哈大笑,因为它的朋友输了球,就无理取闹。
Koko o ne a kgopilwe tota gore a atlhamolose molomo wa gagwe thata mme a gotsa sebokolodi.
鸡生气极了,它张开嘴,一口把千足虫吞了下去。
Fa Koko a le mo tseleng go ya lwapeng, a kopana le Mme Sebokolodi. Mme Sebokolodi a botsa, “A ga o a mponela ngwana?” Koko a didimala .Mme Sebokolodi o ne a tshwenyegile.
Morago Mme Sebokolodi a utlwa lentswe le le kwa teng. “Nthusa mme!” lentswe le lela. Mme Sebokolodi a leba leba mme a reetsa ka tlhoafalo. Lentswe le tswa moteng ga koko.
Mme Sebokolodi a goa, “Dirisa maatla a gago ngwanaka!” Dibokolodi di kgona go dira monkgo o o bosula le go leka go go bosula. Koko a simolola go bobola.
千足虫妈妈大喊道:“快用你神奇的能力!”千足虫会产生一种很难闻的味道,会让鸡觉得很恶心。
Koko a simolola go ruruga. O ne a metsa a bo a kgwa mathe. O ne ithimola a bo a gotlhola. Mme a gotlhola. Sebokolodi se ne se ferosa sebete.
鸡打了一个嗝,咕噜咕噜要吐了,又是打喷嚏又是咳嗽。千足虫太恶心了!
Koko a gotlhola go fitlhela a gotlhola sebokolodi se se neng se le mo mogodung wa gagwe. Mme Sebokolodi le ngwana wa gagwe ba gagabela mo mokaleng go itshuba.
鸡不停地咳嗽,直到把千足虫从胃里咳了出来。千足虫妈妈和孩子赶紧爬上树,藏了起来。
Gotswa ka nako e o, dikoko le dibokolodi e ne e le baba.