下载 PDF
返回故事列表

Peo E Nnye: Tlhamane ya ga Wangari Maathai 一粒小种子:旺加里·马塔伊的故事

作者 Nicola Rijsdijk

插图 Maya Marshak

译文 Domitilla Naledi Madi

语言 茨瓦纳语

级别 3级

将整故事念出来 本故事尚未有语音版。


Mo motseng o o mo mokgokolosa wa Thaba ya Kenya mo Aferika Botlhaba, mosetsana yo monnye o ne a dira mo tshimong le mmagwe. Leina la gagwe e ne e le Wangari.

在东非肯尼亚山的山腰上,有一座小村庄,村庄里有一个小女孩和妈妈一起在田里劳作,这个女孩叫旺加里。


Wangari o ne a rata go nna kwa ntle. Mo tshimong ya dijo ya losika lwa bone o ne a thuba mmu ka mogoma wa gagwe. O ne a tlhoma dipeo tse di nnye moteng ga lefatshe le le mothito.

旺加里很喜欢呆在户外。在她家的农田里,旺加里用弯刀劈开土地,把小种子播撒到温暖的泥土里。


Nako ya gagwe ya letsatsi e o neng a e rata e ne e le mongobelo. Fa gonna lefifi thata go bona dimela, Wangari o ne a itse gore ke nako ya go ya lwapeng. O ne a rata go tsamaya mo ditseleng tse di tshesane tse di mogare ga tshimo, a tsamaya a tla a kgabaganya noka.

她一天中最喜欢的时候就是日落时分。当天黑了,看不到花花草草时,旺加里就知道她该回家了。她走在农田里的小路上,还要过几条河。


Wangari e ne e le ngwana yo o botlhale a sa kgone go leta go ya sekolong. Mme rragwe le mmagwe ba ne ba batla gore a nne mo lwapeng mme a ba thuse. E rile fa a le dingwaga tse supa, mogolowe a tlhotlheletsa batsadi ba gagwe gore ba mo letlelele gore a ye sekolong.

旺加里是个聪明的孩子,她迫不及待地想要去上学,但是她的父母希望她能在家,帮着干农活。当旺加里七岁的时候,她的哥哥说服了父母,让旺加里去上学。


O ne a rata go ithuta! Wangari o ne a ithuta thata thata mo lokwalong longwe le longwe lo o neng a lo bala. O ne a dira ka natla thata mo sekolong gore a lalediwe go ya go ithuta kwa Dinageng tse di Kopaneng tsa Amerika. Wangari o ne a itumetse! O ne a rata go itse thata ka ga lefatse ka bophara.

旺加里太喜欢学习了。旺加里读了很多书,学到很多知识。她的成绩非常好,最后收到了美国大学的录取信,邀请她去美国读书。旺加里太兴奋了,她真想去世界各地走走看看。


Kwa unibesiting ya Amerika Wangari o ne a ithuta dilo tse dintsi tse disha. O ne a ithuta ka ga dimela le gore di gola jang. Mme a gopola gore o godile jang: a tshameka dikgaisano le bo kgaitsadie mo seriting sa ditlhare mo nageng e ntle ya Kenya.

在美国的大学里,旺加里学到了很多新鲜事物。她研究植物,以及它们的生长过程。她想起她自己是怎么长大的:她和兄弟们在美丽的肯尼亚森林里玩耍。


Fa a ithuta thata, a lemoga gore o na le lorato mo bathong ba Kenya. O ne a batla gore ba nne ba itumetse ba gololesegile . Fa a ithuta thata, o gopola thata legae la gagwe la Aferika.

她学得越多,就越热爱肯尼亚人民。她想要帮助肯尼亚人民过上自由、快乐的生活。她学得越多,就越想念自己在非洲的家乡。


Erile fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe, a boela kwa Kenya. Mme naga ya gagwe e ne e fetogile. Dipolasi tse ditonna di ne di katologile mo nageng ka bophara. Bomme ba ne ba sena dikgong tsa go gotsa le go apaya. Batho ba ne ba humanegile le bana ba ne ba tshwerwe ke tlala.

当旺加里完成学业时,她回到了肯尼亚,但是她的祖国已经今非昔比了。大地上建起了农场,妇女们找不到柴火做饭。人们过着穷苦的日子,孩子们饥肠辘辘。


Wangari o ne a itse gore a dire eng. O ne a ruta bomme gore ba tla tlhoma jang ditlhare ka peo. Bomme ba ne ba rekisa ditlhare mme ba dirisa madi go tlhokomela masika a bona. Bomme ba ne ba itumetse thata. Wangari o ba thusitse gore ba ikutlwe ba na le maatla e bile ba nonofile.

旺加里知道自己要做什么。她教妇女们如何用种子种出大树。妇女们卖树赚钱,补贴家用。妇女们都很高兴。旺加里使她们觉得自己变得坚强勇敢了。


Jaaka nako e feta, ditlhare tse ditlhomilweng di ne tsa gola ganna naga, mme dinoka tsa simolola go elela gape. Molaetsa wa ga Wangari wa anama mo Aferika yotlhe. Gompieno, ditlhare di le dikete -kete di godile ka ntlha ya dipeo tsa ga Wangari.

时光飞逝,小树长成了参天大树,又汇聚成了森林,河水穿流而过。旺加里的办法传遍了非洲。今天,因为旺加里当初的种子,已经长出了几百万棵大树。


Wangari o dirile ka natla. Batho mo lefatseng ka bophara ba ile ba lemoga, mme ba mo neela sekgele se se itsegeng. Se bidiwa sekgele sa Nobel sa Kagiso, mme e ne e le mme wa ntlha wa moAferika go amogela sekgele se.

旺加里努力工作,引起了全世界的注意,人们授予她诺贝尔和平奖,她是非洲第一位获得这份殊荣的女性。


Wangari o tlhokafetse ka ngwaga wa 2011, mme re kgona go mogopola nako le nako fa re bona setlhare se sentle.

旺加里在2011年去世,但是每次我们看到大树时,都会想起这位杰出的女性。


作者: Nicola Rijsdijk
插图: Maya Marshak
译文: Domitilla Naledi Madi
语言: 茨瓦纳语
级别: 3级
出处: 原文来自非洲故事书A Tiny Seed: The Story of Wangari Maathai
共享创意授权条款
本着作系采用共享创意 署名 4.0 未本地化版本授权条款授权。
选项
返回故事列表 下载 PDF