Nnake yo mmotlana o robala thari. Ke tsoga go sa le gale, ka ntlha ya gonne ke godile!
我弟弟睡过头了。我很早起床,因为我很棒!
Ke nna ke bulelang letsatsi go tsena.
是我让阳光透进来。
“O naledi yame ya moso,” go bua Mme.
妈妈说:“你是我的晨星”。
Ke a itlhapisa, ga ke tlhoke thuso epe.
我自己洗澡。我不需要帮忙。
Ke kgona go tlhapa ka metsi a a tsididi ka molora o o nkgang o o botala jwa loapi.
冷冷的水和臭臭的蓝色肥皂对我来说不算大事。
Mme o a nkgakolola, “O seka wa lebala meno.” Ka araba, “Ga nkake, e seng nna!”
妈妈提醒我:“别忘了刷牙。”我回答:“怎么可能,我不会忘记的!”
Morago ga go tlhapa, ka dumedisa Rremogolo le Rakgadi, mme ke ba eleletsa letsatsi le le ntle.
洗好了以后,我跟爷爷和姑妈打个招呼,向他们问好。
Mme morago ka simolola go itswesa, “Ke godile jaanong Mme,” go bua nna.
然后我自己穿好衣服。“妈,我已经长大了!”
Ke kgona go kopela ditalama le go hunela ditlhako tsame.
我会自己扣好衣扣和鞋子。
Ke kgona go netefatsa gore nnake yo mmotlana o itse dikgang tsotlhe tsa sekolo.
在上学的路上我跟弟弟说学校的所有消息。
Mo phaposiborutelo ke dira ka natla mo go sengwe le sengwe.
上课的时候我认真学习。
Ke dira dilo tse tsotlhe tse dintle letsatsi le letsatsi. Mme se segolo se ke se ratang thata, ke go tshameka le go tshameka!
我每天做这几件好事。可是我最喜欢做的是玩玩玩!