下载 PDF
返回故事列表

Nozibele le Meriri e Meraro 诺孜贝儿和三根头发

作者 Tessa Welch

插图 Wiehan de Jager

译文 Lorato Trok

语言 茨瓦纳语

级别 3级

将整故事念出来 本故事尚未有语音版。


Bogologolo tala basetsana ba bararo ba ne ba ya go rwalela dikgong.

很久很久以前,有三个女孩,她们一起外出找柴火。


Letsatsi le ne le fisa thata mme ba ya nokeng go ya go thuma. Ba ile ba tshameka monate, ba gasana ka metsi ba itumetse.

天很热,她们跳下河游了个泳。她们一边游泳,一边嬉戏,溅出很多水花。


Fa ba tswa mo metsing, ba lemoga gore letsatsi le setse le phirimile. Ba itlhaganela go boela kwa motseng.

突然,她们意识到天已经很晚了,匆匆忙忙赶回村子。


Fa ba le gaufi le gae Nozibele a itshwara molala. A lemoga gore o lebetse sebaga sa gagwe kwa nokeng. “A re boeleng morago ke a lo kopa” Nozibele a kopa ditsala tsa gagwe. Fela bona ba gana ba re ke bosigo.

当她们快到家的时候,诺孜贝儿摸了摸她的脖子:她把项链落在了外面。于是她请求她的朋友们:“和我一起回去找找吧!”但她的朋友们都说太晚了。


Nozibele a boela morago a le esi.O ne a fitlhela sebaga sa gagwe mme a boela gae. Ka go ne go setse go fifetse, o ne a timelelwa ke tsela ya go ya gae.

诺孜贝儿一个人回到河边,一找到了项链,就赶忙回家,但天太黑了,她迷路了。


Erile a sa le kgakajana, o ne a bona go tuka lebone mo ntlong nngwe. O ne a itlhaganelela kwa teng,mme a feta a kokota.

她远远地看见有个小木屋,木屋里有一丝光亮。她跑到木屋门口,敲了敲门。


O ile a makala fa mojako wa ntlo o bulwa ke ntšwa. “O batla eng fa?” Ga botsa ntšwa. “Ke timetse, mme ke batla lefelo la go robala” “Tsena, eseng jalo ke tla go loma!”, ga rialo ntšwa.

诺孜贝儿吃了一惊,开门的是一只会说话的狗:“你来干嘛?”诺孜贝儿说:“我迷路了,我要找个地方睡觉。”狗回答说:“进来吧,不然我就咬你!”然后诺孜贝儿就进了屋。


“Nkapeele dijo!” ga rialo ntšwa. “Fela ga ke isi ke apeele ntšwa dijo,” ga araba Nozibele. “Apaya, eseng jalo ke tla go loma!”, ga rialo ntšwa. Nozibele a apeela ntšwa dijo.

狗说:“给我做饭!”诺孜贝儿回答说:“但我从来没有给狗做过饭。”狗说:“快做饭,不然我就咬你。”诺孜贝儿没办法,只能给狗做了一些吃的。


Mme ntšwa ya re, “mpaakanyetse bolao!” “Ga ke isi ke baakanyetse ntšwa bolao!”, ga araba Nozibele. “Mpaakanyetse bolao eseng jalo ke tla go loma!” ga rialo ntšwa. Nozibele a baakanyetsa ntšwa bolao.

狗说:“给我铺床!”诺孜贝儿回答说:“但我从来没有给狗铺过床。”狗说:“快铺床,不然我就咬你。”诺孜贝儿没办法,只能给狗铺了床。


Nozibele o ne a tshwanetswe ke go apaya ,go feela le go tlhatswetsa ntšwa ka gale. Ka letsatsi lengwe ntšwa ya re “Nozibele gompieno ke tshwanetse go etela ditsala tsa me. Pele ga ke boa o be o feetse ntlo, o apeile dijo ebile o tlhatswitse dilo tsa me.”

诺孜贝儿每天都要给狗做饭,打扫屋子,洗衣服。有一天,狗说:“诺孜贝儿,我今天要出门见朋友。在我回来之前,你要打扫好屋子,做好饭,洗好衣服。”


Erile fa ntšwa e fetsa go tsamaya, Nozibele a ntsha meriri e meraro mo tlhogong ya gagwe. O ile a baya moriri wa ntlha ka fa tlase ga bolao. Wa bobedi ka mo morago ga setswalo. Mme wa boraro a o baya kwa lesakeng. Morago ga foo a sia ka lebelo le legolo a boela kwa gaabo.

狗一走,诺孜贝儿就从头上拔了三根头发下来。她把一根头发放在床下,一根放在门背后,还有一根放在篱笆上。然后诺孜贝儿用尽全力跑回了家。


Erile fa ntšwa e fitlha ya batlana le Nozibele. “Nozibele o ko kae?” ga goa ntšwa “Ke ka fa tlase ga bolao” ga araba moriri wa ntlha “Nozibele o fa kae?” ga goa ntšwa “Ke fano mo morago ga mojako” ga araba moriri wa bobedi “Nozibele o ko kae?” ntšwa ya goa gape “Ke ka fa lesakeng”, ga araba moriri wa boraro

当狗回到家的时候,它开始找诺孜贝儿:“诺孜贝儿,你在哪里?”第一根头发说:“我在这儿,在床底下。”第二根头发说:“我在这儿,在门背后。”第三根头发说:“我在这儿,在篱笆上。”


Ntšwa ya lemoga gore Nozibele o e tsieditse. Ya tloga, ya tabogela kwa motsaneng go ya go batla Nozibele. Erile fa e fitlha kwa motseng ya fitlhela bomorwarraagwe Nozibele ba e letile ka dithupa tse dikgolo. E ne ya tshaba mme ya se ka ya tlhola e bonwa gape

狗明白了诺孜贝儿耍的花招。它一路跑到诺孜贝儿的村庄,但是诺孜贝儿的兄弟们正拿着棍子等着它呢!狗见状不妙,赶紧跑开了,从此再也没人见过它。


作者: Tessa Welch
插图: Wiehan de Jager
译文: Lorato Trok
语言: 茨瓦纳语
级别: 3级
出处: 原文来自非洲故事书Nozibele and the three hairs
共享创意授权条款
本着作系采用共享创意 署名 3.0 未本地化版本授权条款授权。
选项
返回故事列表 下载 PDF