E rile fa mmagwe Simbegwire a tlhokafala, o ne a utlwile botlhoko thata.Rragwe Simbegwire o dirile ka bojotlhe jwa gagwe go tlhokomela morwadie. Ka bonya, ba ithuta go ikutlwa ba itumetse, kwa ntle ga ga mmagwe Simbegwire. Letsatsi le letsatsi mo mosong ba ne ba nna fatshe ba bua ka ga letsatsi go ya pele. Maitsiboa mangwe le mangwe ba ne ba dira dijo tsa maitsiboa mmogo. Morago fa ba sena go tlhatswa dijelo, rragwe Simbegwire o mo thusa ka tiro ya sekolo.
Ka letsatsi lengwe rragwe Simbegwire a tla go le thari fa gae e seng jaaka gale. “O kae ngwanaka?” a bitsa. Sibegwire a tabogela kwa go rragwe. O ile a ema fa a bona rragwe gore o tshwere motho wa mme ka letsogo. “Ke batla gore o kopane le mongwe yo o kgetegileng, ngwanaka. Yo ke Anita,” a bua a nyenya.
“Dumela Simbegwire, rrago o mpoleletse tse dintsi ka ga gago,” go bua Anita. Mme ga a ka a nyenya kgotsa a tshwara letsogo la mosetsana. Rragwe Simbegwire o ne a itumetse. O ne a bua ka boraro jwa bona ba nna mmogo, le gore botshelo jwa bone bo tla nna jo bo siameng. “Ngwanaka, ke solofela gore o tla amogela Anita jaaka mmago,” a bua.
Botshelo jwa ga Simbegwire jwa fetoga. O ne a sena nako ya gonna le rragwe mo mesong. Anita o ne a mo naya ditiro tse dintsi tsa mo gae gore a lape a palelwe ke go dira tiro ya sekolo maitsiboa. Morago ga dijo tsa maitsiboa o tlhamalelela kwa bolaong. Kgomotso ya gagwe e ne e le kobo e e mebalabala e o e neilweng ke mmagwe. Rragwe Simbegwire go ne go sa bonale gore o lemoga gore ngwana wa gagwe ga a itumela.
Morago ga dikgwedi tse di mmalwa, ragwe Simbegwire a ba bolelela gore o tla be a seo lobaka nyana mo gae. “Ke tshwanetse ka tsamaya ka tiro ya me,” go bua ene. “Mme ke a itse gore lo tla tlhokomelelana.” Sefatlhego sa ga Simbegwire sa wa, mme rragwe ga a lemoga se. Anita ga a bua le fa e le sepe. Le ene o ne a sa itumele.
Dilo di ne tsa nna maswe le go feta go Simbegwire. Fa a sa fetsa tiro ya gagwe ya mo gae, kgotsa a bua ka sengwe se se sa mo itumediseng, Anita wa mobetsa.Nako ya dijo tsa maitsiboa, mosadi o ja bontsi jwa dijo, mme a tlogelela Simbegwire matlhotlhori fela. Maitsiboa le maitsiboa Simbegwire o lela go fitlhela a robala, a atlaretse kobo ya ga mmagwe.
Moso mongwe, Simbegwire o ne a le thari go tsoga. “Mosetsana ke wena wa sekopa!” go goa Anita. O ne a goga Simbegwire go tswa mo bolaong. Kobo e ntle e ile ya tshwara sepeikiri, mme ya gagoga ka dikarolo tse pedi.
Simbegwire o ne tenegile tota. O ne a tsaya tshwetso ya gore o sia gotswa mo gae. O ile a tsaya dikarolo tse pedi tsa kobo ya ga mmagwe, a tsaya dijo nyana, mme a tsamaya. O ile a tsaya tsela e rragwe o tsamaileng ka yona.
辛波薇亚伤心透了,她决定离家出走。她带着毯子的碎片,包了一些食物,沿着爸爸出差的路离开了家里。
Fa gonna maitsiboa, o palama setlhare se se leele gaufi le noka mme a itirela bolao mo dikaleng. Fa a ya go robala, a opela: “Mme, mme, mme, o ntlogetse. O ntlogetse mme, mme ga se o ke o menoge. Rre ga a tlhole a nthata. Mme, o tla menoga leng? O ntlogetse.”
Moso wa letsatsi le le latelang, Simbegwire a opela pina gape. Erile fa bomme ba tla go tshwatswa diaparo tsa bone fa nokeng, ba utlwa pina e e tlhomolang pelo e utlwala gotswa mo setlhareng se se leele. Ba ne ba ithaya gore e ne e le phefo e e fokang makakaba, mme ba tswelela ka tiro ya bone. Mme mongwe wa bomme a reetsa pina ka tlhwafalo.
Mme yo a leba kwa godimo mo setlhareng. Erile fa a bona mosetsana le dikarolo tsa kobo e e mebala-bala, a lela, “Simbegwire, ngwana wa ga kgaitsadieke!” Bomme ba bangwe ba khutla go tlhatswa mme ba thusa Simbegwire go phola mo setlhareng. Rakgadiagwe o ile a mo a atla mosetsanyana mme a leka go mogomotsa.
Rakgadiagwe Simbegwire o ile a tseela ngwana kwa ntlong ya gagwe. O ile a naya Simbegwire dijo tse di molelo, mme a mo tsenya mo bolaong ka kobo ya ga mmagwe. Bosigo joo, Simbegwire o ne a lela fa a ya go robala. Mme e ne e le dikeledi tsa kgomotso. O ne a itse gore rakgadiagwe o tla motlhokomela.
E rile fa rragwe Simbegwire a boela gae, o fitlhetse phaposi ya borobalo ya gagwe e sena sepe. “Go diragetse eng, Anita?” a botsa ka pelo e e botlhoko. Mosadi a tlhalosa gore Simbegwire o siile. “Ke ne ke batla gore a ntlotle,” go bua ene. “Mme gongwe ke ne ka gagamatsa molao thata.” Rragwe Simbegwire o ne a tswa fa lwapeng mme a tsamaya ka tsela e e yang nokeng. O ile a tswelela go ya kwa motseng wa ga kgaitsadie go utlwa gore a ga a bona Simbegwire.
Simbegwire o ne a tshameka le bo ntsalae fa a bona rragwe gotswa kgakala. O ne a boifa gore gongwe o kgopilwe, ka jalo a tabogela moteng ga ntlo go itshuba. Mme rragwe o ne a ya kwa go ene a re, “Simbegwire, o iponetse mmago yo o go tshwanetseng. Yo o go ratang gape a go tlhaloganya. Ke motlotlo ka wena ke a go rata.” Ba dumalana gore Simbegwire o tla nna le rakgadiagwe lobaka lo a neng a lo batla.
Rragwe o ne a mo etela letsatsi le letsatsi. Kgabagare, o ne a fitlha le Anita. O ne a mo tshwara ka seatla. “Ke maswabi ngwanyana,” A lela. “A o tla ntetla go leka gape?” Simbegwire o ne a leba rragwe le sefatlhego se se tshwenyegileng. Jaanong a atamela ka bonya mme a atla Anita.
Beke e e latelang, Anita a laletsa Simbegwire, bontsalae le rakgadiagwe, kwa lwapeng go tla go ja. Mokete o montle tota! Anita o ne a apaya dijo tsotlhe tse Simbegwire o di ratang, mme mongwe le mongwe a ja go fitlhela megodu e tlala. Morago bana ba ne ba tshameka fa bagolo bona ba ne ba bua. Simbegwire o ne itumetse a le pelokgale. O ne a tsaya tshwetso ya gore go ise go ye kae, go ise go ye kae ka bonako, o tla boela gae gotla gonna le rragwe le mmagwe wa bobedi.