Motse wa me o na le mathata a le mantsi. Re dira lotheto lo lo leele go tsaya metsi go tswa mo kraneng e le nngwe.
我的村庄面临很多问题。村里只有一个水龙头,我们每天都要排很长的队伍去接水。
Re leta dijo tse di abiwang ke ba bangwe.
我们等着别人接济食物给我们吃。
Re tswala matlo a rona go sa le gale ka ntlha ya magodu.
每天晚上,我们因为害怕有小偷,所以都早早地锁上了门。
Bontsi jwa baithuti ba tlogela sekolo.
中途辍学的孩子也不少。
Baroba ba dira jaaka malata mo metseng e mengwe.
年轻的女孩被迫到别的村庄去做女佣。
Makau a tsamaya mo mebileng ya motse mme ba bangwe ba dira mo dipolasing tsa batho.
年轻的男孩不是成天在村子里游荡,就是到别人的农场里打工。
Fa phefo e foka, matlakala a dipampiri a mo mekaleng le mo diterateng tsa dijarata.
起风的时候,废纸到处乱飞,挂在树梢和篱笆上。
Batho ba sigilwe ke mabotlole a a thubilweng a a latlhilweng go sa rekegelwe.
碎玻璃扔得到处都是,很多人都被碎玻璃划伤了。
Ka letsatsi lengwe, ke fa karane e kgala mme ditshelo tsa rona di ne di sena sepe.
终于有一天,水龙头干涸了,人们接不到水了。
Rre o ne a tsamaya ntlo le ntlo a kopa batho go tsenela phuthego ya motse.
我的爸爸一家一家地劝说,召集村里的居民们开会。
Batho ba ne ba phutega ka fa tlase ga mokala o motonna ba reetsa.
人们聚到一棵大树下,准备开会。
Rre o ne a ema a re, “Re tshwanetse ra dira mmogo go rarabolola mathata a rona.”
我爸爸站起来,说:“我们必须团结起来,一起解决我们的问题。”
Juma yo o neng a le dingwaga tse robedi,a dutse mo godimo ga setlhare
a goa, “Ke kgona go thusa ka go phepafatsa.”
八岁的珠玛坐在树干上,大声说:“我可以帮忙清理村庄。”
Mme mongwe a re, “Bomme ba kgona go kopana le nna gore re tlhome dijo.”
一个女人站起来说:“我可以找一些妇女,一起种庄稼。”
Rre yo mongwe a ema a re, “Borre ba tla epa sediba.”
又有一个男人站起来说:“男人们可以帮着打井。”
Ra goa rotlhe ka lentswe le le lengwe, “Re tshwanetse go fetola matshelo a rona.” Gotswa ka letsatsi leo ra dira mmogo go rarabolola mathata a rona.
我们异口同声地说:“我们必须改变我们的生活。”从那天开始,大伙儿都齐心协力,解决问题。