Podi, Ntsa le Kgomo e ne e le ditsala tse dikgolo. Ka letsatsi lengwe ba tsaya loeto ka thekhisi.
山羊、野狗、和水牛是很要好的朋友。有一天,他们一起坐出租车。
Fa ba fitlha kwa bokhutlong jwa loeto lwa bona, mokgweetsi a ba kopa gore ba duele sekoloto sa bone. Kgomo a duela sa gagwe.
当他们到了目的地的时候,司机叫他们交车费。水牛把她自己的那份交了。
Ntsa a duela go feta sekoloto, ka ntlha ya gonne o ne a sena tshentshe.
野狗没有带零钱,所以他就多给了一点儿。
Mokgweetsi o ne a batla go neela Ntsa tshentshe mme ke fa Podi a sia kwa ntle ga go duela molato.
司机正要找钱给野狗,没想到山羊没有给钱就跑掉了。
Mokgweetsi o ne a tenegile tota. O ne a kgweetsa kwa ntle ga go neela Ntsa tshentshe ya gagwe.
司机很生气,结果他没有给野狗找钱就开走了。
Ke gone ka moo le fa e le gompieno, Ntsa o tabogelang koloi go okomela moteng go bona gore a ga a kitla a bona mokgweetsi yo o mo kolotang tshentshe.
所以,现在你可以看到野狗看到车子就拼命追上去,因为他想叫司机给他找钱。
Podi e a sia e tshaba modumo wa koloi. O tshaba gore o tla tshwarwa ka ntlha ya go sa duela molato wa gagwe.
山羊呢,一听到有车来就吓得赶快逃走,因为她怕没交车费被人抓起来。
Mme Kgomo ga a rekegele le fa koloi e tla. Kgomo o tsaya nako ya gagwe go kgabaganya tsela ka ntlha ya gonne o itse gore o duetse molato wa gagwe otlhe.
可是水牛听到车来一点儿都不急。她不慌不忙地过马路,因为她知道她已经把她自己那份交了。